Soil												Setswana 

Katisegelo ya mmu e a tlhalosiwa

Instructions: 

Folio strap: Mmu

Byline: Kgannyana e tla ka montshakuno wa maloba

Caption: 	

Setshwantsho 1: Ditshwaetso tsa katisegelo mo sebakeng sa marose.

Setshwantsho 2: Medi e e ka fa lotlhakoreng lwa molema lwa sentshwantsho e bontsha kgolo e e sa kgoreletsegang fa medi e e ka fa lotlhakoreng lwa moja lwa semela e bontsha kgolo e e lekanyeditsweng ka ntlha ya dikgaolwana tsa katisegelo di le mmalwa go ya ka porofaele ya mmu.;

Setshwantsho 1: Setshwantsho sa marothodi a pula a wela mo boalogodimong jwa mmu o o metsi se 

supa dithata tse di senyang, di tlhasetse.

Setshwantsho 2: Fa go oma, boalogodimo bo dira legogo, ka jalo le kaba kamogano efe kgotsa efe ya

digase kgotsa nwelelelo ya bongola ka nako ya merwalela e e tlang. 

Setshwantsho 3: Tsenya leitlho thata mo masimong go bona mothamo wa metsi o o feteletseng mme o ntshe dikgomo go di isa kwa mafulong a a jetsweng. Fa masimo a setse a omile, dikgomo di ka boela gape.



Katisegelo ya mmu e diragala fa dikarolwana tsa mmu di pitlaganngwa thata mme sebaka sa marose se se magareng ga tsona se fokodiwa. Mebu e e katisegetseng go feta e na le dibaka tsa marose di le mmalwanyana fela tse dikgolo e bile di na le kelo e e fokotsegileng ya tsenelelo le monyego ya metsi go tswa llageng e e katisegetseng. Kamogano ya mowa o o nang le okosijene, naeterojene, khabonedaeokosaete le digase tse dingwe tse di leng botlhokwa mo tswelelong le kgolong ya medi ya dimela, le yona e a kgoreletsega le go diegisiwa.





 











Setshwantsho 1





Katisegelo ya mmu e tlholwa ke eng?

Metlhala ya diterekere le didiriso mo masimong a dijalo le mafulo a a jetsweng e katlhola katisegelo ya mmu. Katisegelo ya mmu e amanngwa thata le ditiro dingwe le dingwe tsa tshugommu, jalo, kgatsho le thobo tse gale di tlhokegang mo medikong ya ntshokuno ya temodijalo. Mo dingwagasomeng tse dintsi go tserwe matsapa a magolo go dira diterekere tse di nang le maatlakgogo a a oketsegileng le didiriso tse di tshwanetseng go thuba dipane tsa mogoma le tshugo gammogo le dipane tse di tlholwang ke dikarolwana tsa mmukgogodi tse dinnye tse di ikgatang mo llageng e e sa sutlhelegeng.

Boima jwa diterekere bo oketsegile go tswa go ditono tse tharo ka bo1940 go ya go feta ditono tse 20 tsa diyuniti tse dikgolo tse di gogang ka maotwana a mane a tsa segompieno. Katisegelo e e tlholwang ke merwalo ya diase e e bokete ya ditono tse di lesome kgotsa go feta mo mebung e e metsi, e ka tsenelela go fitlha go 0,60 ya mitara. Ditiro tsa tshugo ka dinako tse dingwe di dirwa fa mebu e le metsi le go nna le kgonego ya katisegelo le go tlhola tshenyo mo sebopegong sa mmu. Kgono ya mmu go ntsha thobo e e kwa godimo, e a kgoreletsega. Tiriso e e tswelelang ya mogoma wa sekara le go dêsa ka boteng jo bo tshwanang go ka tlhola dipane tsa tshugo tse di maswe kgotsa dillaga tse di katisegetseng fela fa tlase ga boteng jwa tshugo mo mebung e mentsi.

Ka diteng tsa metsi tse di kwa godimo mmu o ka botšwa bonolo mme ga twe o mo seemong sa “polasetiki”. Pharakano e ntsi kgotsa didiriso tsa tshugo tse di dirisiwang jaanong di tlhola gore mangwete kgotsa moraga wa mmu, di elelele mmogo go nna mmopa o o dilegileng o o tshume. Metlhala ya dithaere e e boteng kgotsa diforo tse di makgokolo tse di dilegileng tse di ka bonwang mo masimong ke bosupi jwa gore mmu o ne o le metsi thata go ka bereka ditiro tse. Mebu e e omileng e a thubega mme ka jalo e sala ka sebopego se se eletsegang go na le go dilega.

Popego ya mmu

Popego ya mmu e laola kgono ya mmu ya go tshwara le go tsamaisa metsi, dikotla le mowa tse di tlhokafalang mo tirong ya medi ya semela. Medi e e golang ka mafolofolo e tlhoka marose a bogolo jo bo fetang 0,1 mm, se e leng bogolo jwa dintlhana tsa medi e mentsi go kgona go ingangatlela mo leroseng la mmu pele e ka tlhagelela le go golela go ya pele. Kemelano e e kwa godimo ya mmu o o katisegetseng e raya gore medi e tshwanetse go lwa ka maatla a magolo go tsenelela mo llageng e e katisegetseng.

Montshakuno a ka fenya jang llaga ya katisegelo?

Tshugo e e boteng jwa go feta 25 cm e na le kgono ya go thuba dipane tse dipopota tse di dirilweng ke pharakano ya maotwana, fela e ka nna ya se nne tharabololo ya pakatelele go oketsa kgotsa go bebofatsa thobo ya dijalo e e kwa godimo. Mo dithulaganyong tsa ntshokuno tse dintsi tshugo e e boteng e tshwanelwa go boelediwa setlha sengwe le sengwe. Ditiro tsa tshugo morago ga go lema di ka katisegetsa mmu gape go batla go fitlha 80% ya tshwaragano pele ga tshugo. Ka jalo go na le seelo se segolo, sa maatla mo sebopegong sa disele e e dirisitsweng le ditshenyegelo tsa metšhine e e dirileng e e tlhokegang mo tshugong.

Thulaganyo ya temodijalo ya gajaana ya gago e ka dirisa mekgwa e e tlwaelegileng ya tshugo e e ka akaretsang go lema morago ga thobo, go dêsa, go repa, ditlhagolo tse di farologaneng, o bo o jala, gammogo le go kgatshetsa go laola mefero le ditshenekegi morago ga go jala le ga thobo. Ka jalo go a kgonega gore o bo o tsamaile mo masimong magareng ga makgetlo a robedi le robong magareng ga thobo le jalo ya sejalo se se latelang. Thulaganyo e, e tura thata go e tsweletsa. Peeletso mo metšhineng le didiriso, nako e e tserweng go wetsa ditiro tse, badirisi le diterekere, lookwane le dipaakanyo, di kwa godimo thata.



Tshugotlwaelo 

Thulaganyo ya tlwaelo e ne e dirisediwa bogolo go laola mofero le go tlhanyaolola legogo la mmu efe kana efe le le tlhodilweng ke dipula tse di maatla, tse gale di nang mo nagagodimong. Pula efe le efe e e amogetsweng mo pakeng ya bogola, magareng ga dijalo, e ka bolokwa go tlaa dirisiwa ke dijalo tse di latelang tse di jetsweng. Tlholego ya kobelo ya lorole e thibela bogolo jwa mowafalo ya bongola jwa boalotlase le boalogodimo jo bo bolokilweng go tswa porofaeleng ya mmu.

Go lema boalotlase go thuba pane le gona go ka tlhola tshenyegelo pele ya popego ya mmu e bile e ka nna bokoa fa pereko e ka dirwa mmu o le metsi thata. Mekgwa ya tshugo ya tshomarelo, e e akaretsang ditiro tsa tshugo e e fokoditsweng,e potlana kgotsa e e sa dirweng gotlhelele, e ka fokotsa katisegelo ya mmu mme kwa bofelong ya fokotsa ditshenyegelo tsa tshugo ka kakaretso.

Mesola ya tlhanyaololo e e kwa godimo ya mmutlase

Dimekhenesime tsa polantere tse dintsi di katisegetsa mmu go le gonnye go dikologa peo e e jadilweng. Kamano e e siameng magareng ga peo le mmu, e itlhaganedisa kelo ya go monyela metsi ka jalo le ya tlhogo ya peo. Katisegelo e e bogareng e ka fokotsa tatlhegelo ya metsi ka ntlha ya mowafalo le go thibela go oma ga mmu mo tikologong ya peo. Ka gale mo maemong a temodijalo ya masimo a omileng mmu o o omileng le go tlhanyaololwa, o tshelwa ka botlhošwana mo godimo ga peo e e jetsweng. Se se dira jaaka llaga ya kobelo ya lorole e e thibelang tatlhegelo ya bongola go ya pele. Fela le gale go botlhokwa gore o se katisegetse mmugodimo le mmutlase fa tlase ga peo.



Mmu o o tlhanyaolotsweng thata ka tshwaragano e e sa nitamang le ona o ka nna matshosetsi mo kgolomeding le tswelelong ya medi ya tota. Medi e inyalanya le phetogo mo nitamong ya mmu ka go golela kwa dikgaolong tse di se nang le kemelano e nnye ka jalo ga e ne e sutlhelela bonolo mo dipaneng tse di popota mo porofaeleng ya mmu.

Mathata a a tlholelwang dimela ke llaga ya katisegelo 

Tshwaetso ya llaga ya katisegelo ke gore kgaolo ya kgono mo porofaeleng ya medi e e utololwang ke medi e a fokodiwa. Monyelo ya dikotla le kelelo le poloko e e fokotsegileng ya metsi e lekanyetsa kgono ya dimela go ntsha thobo e e kwa godimo. Ka dingwaga tsa komelelo katisegelo ya mmu e ka isa kwa dimeleng tse di hubileng le tsa ngodiego ya komelelo. Kwa ntle ga dipula tse, dinako le menontsha e e tshetsweng sentle, go tla itemogelwa thobo e e fokotsegileng.







Setshwantsho 2









Katisegelo ya mmu mo dingwageng tse di metsi, e tlhola tsenomowa ya mmu e e fokotsegileng mo dillagenggodimong tsa mmu ka gore kelo ya monyego e fokotsegile mme e ka tlhola kgogolego ya boalogodimo ka go na ga dipula le tsenomowa ya mmu e e fokotsegileng thata. Se se ka tlhola go latlhega ga monontsha le naeterojene go tsena mo lefaufaung. Monyelo ya potasiamo e batla gore semela se senye maatla a sona go monyela potasiamo. Tsenomowa e e fokotsegileng e ama maatlafalo ya medi mme e feleletse mo monyelong e nnye ya potasiamo. Gonne foseferase e sa ye kgakala mo mmung le fa e tshetswe pele kgotsa e tshelwa ka nako ya jalo. Thulaganyo ya medi e e fokotsegileng le yona e tlaa lekanyetsa monyelo ya dijo tsa dimela tse di botlhokwa. Mebu ya motlhaba ka phasalatso ya dikarolwana tsa mmu tsa bogolo jo bo tshwanang e rata go katisegela bonolo. Mebu e na le nwelelelo ya bongola e e amogelesegang mo porofaeleng ya mmu fela pane e e omileng efe kana efe, e tlaa thibela medi go golela kwa botennye le go dirisa metsi a ka paka ya komelelo ka nako ya ntshokuno ya dijalo mo mmung o o omileng.



Go bonetse gore fa medi e ka kgona go tsenelela pane e e omileng kgotsa ya thusiwa ka ditsenelano mo paneng e e omileng e, e kgona go gola sentle go feretlha metheriale ya mmu e e boleta kwa botennye mo porofaeleng ya mmu. Ka jalo phitlhelelo e bonwa sentle go fitlhelela metsi le dikotla go ntsha thobo e e kwa godimo.



Katisegelo ya mmu e ka tlhalosiwa ka bophara e le bogolo katisegelo ya boalogodimo kgotsa katisegelo ya boalogodimotlase.



Katisegelo ya boalogodimo

Dipula tsa dikgakologo di na ka merwalela e e kwa godimo le e e maatla mme e ka tlhola selekano se se boitshegang sa tshwagafalo ya mmu, kgogolego le tatlhegelo ya monono mo boalogodimong jo bo sa sirelediwang.



Mo mmung o o nang le dibodi tse di kwa tlase kgotsa o o sa sirelediwang ke masalela a dimela, kutlwalo ya lerothodi la pula mo boalogodimong jo, le yona e ka tlhola tlhamego ya legogo la katisegelo la boteng jwa 12 go ya 20 mm mo boalogodimong jwa mmu.

Setshwantsho 1









Marothodi a pula e e tlwaelegileng a simolola ka bogolo jwa 1 go ya 7 mm mme a wela mo mmung a taboga ka lebelo la 30 km ka ura. Dikarolwana di ka phatšhegela bokgakala jwa go feta mitara go tswa kwa kgaolwaneng ya kutlwalo. Se se tswala marose a boalogodimo go ya pele le go fokotsa nwelelelo ya metsi le go oketsa kelelo ya merwalela.





Setshwantsho 2

Fa go oma, boalogodimo bo tlhama legogo ka jalo lo thibelela kamogano ya gase efe kana efe kgotsa tsenelelo ya bongola mo puleng e e latelang. Llaga e e ama tlhogo ya matlhogelanyana jaaka bantshakuno ba bantsi ba ba jalang dijalo ba bone mo masimong a bona ka disonobolomo le dinawa tsa soya.



Dikarolwana tsa mmu tse di tlhanyaolotsweng ke tsona di kgona go tsamaya le metsi le go tswa mo tshimong go tsena mo meeding ya metsi, mme go tlhole thibano e e boitshegang ya melapo le dinoka. Fa go na le pula e e feteletseng jaaka thibego ya leru mo boalogodimong jwa mmu jo bo sa sirelediwang, foo metsi a sa kgoneng go nwelelela mo boalogodimong jo bo dilegileng, kgogolego ya bogodimo e ka tlhola tshenyo e kgolo le tatlhegelo ya monono wa mmu.

Loruo mo mebung e e metsi

Fa loruo lo fudisiwa mo masimong morago ga thobo kgotsa nako efe le efe magareng ga dijalo, katisegelo ya mmu kgotsa “kgobotlego ya mmu” e ka diragala ka ntlha ya kgatako ya ditlhako tsa dikgomo le dinku. Se se diragala fa mmu o le metsi thata le go tlhalosega fa diteng tsa bongola di fetile mothamo wa tshimo. Poitshego ya katisegelo e tlaa laolwa ke selekano sa dijalo mo godimo ga boalogodimo jwa mmu. Katisegelo e ka bonwa mo boalogodimong jwa mmu mo magareng ga 7 go ya 10 cm’s mo porofaeleng ya mmu. Tshwaetso e e boitshega segolobogolo mo mebung ya diteng tsa mmopa tse di kwa godimo thata.

Gape teng fa, dibaka tsa marose di fokotsegile mme go tlhole mathata otlhe a a tlholwang ke katisegelo a a umakilweng fa godimo. Fa dikgomo di tlogelwa mo mafulong a maemo a a metsi, kwa bofelong thobo e ka fokotsega ka 20% ya ntshokuno e e solofetsweng ya gale. Tharabololo ke gore o tlhokomele masimo a gago go lemoga diteng tsa metsi tse di feteletseng mme o hudusetse dikgomo kwa mafulong a a jetsweng kgotsa dikampa tsa phulo tse di kwa godingwana kgotsa tse di nang le lefatshe le le thulameng le le seng metsi thata jaaka masimo a temodijalo. Fela fa masimo a setse a omile dikgomo di ka busediwa gape paka e e rileng.







Setshwantsho 3















 

Peoleitlho le tekelelo ya katisegelo ya mmu

Katisegelo kgotsa go nya legogo ga boalogodimo go ka bonala bonolo ka go tsamaya mo masimong a gago morago ga go na ga pula e ntsi kgotsa e e bokete. Thipa ya mokopelo e ka dirisiwa go kokola legogo go bona gore lo boteng bo kae.

Katisegelo ya boalotlase 

Gore o kgone go lekanyetsa bothata jwa katisegelo ya boalotlase mo masimong mo polaseng ya gago go tshwanetse go dirwe patloboleng e e tseneletseng thata.



Mesima ya porofaele

Sepete se ka dirisiwa go epa mosima wa tekelelo o monnye mme go tlaa tlhagelela ka bonako fa e le gore pane e e dilegileng e teng mo go 20 - 25 cm go tswa boalogodimong jwa mmu. Llaga e fa a e omile gantsi go bokete thata go ka e šema ka bogale jwa sepete. Fa go fitlhelwa llaga e kgotsa go belaelwa katisegelo e e boteng go feta fa go epiwa porofaele ya mmu ka letsogo mme bonnye e nne selekano sa mitara o le mongwe. Se se kgontsha motlhatlhobi go tsena ka mo masimong le go sekasekela porofaele ya mmu katisegelo sentle. Noto ya moitseanape wa jioloji, kgotsa sediriso sengwe se se motsu, se gogwa ka ntlhana e e motsu go tswa kwa bogodimong go ya kwa botlaseng jwa porofaele. Llaga nngwe le nngwe e e thatafetseng e tlaa bonala bonolo thata mme e ka lekanngwa. Boteng le bokima jwa llaga jaanong bo tlaa laola gore ke sediriso sefe sa meno se se tshwanetseng le boteng jo bo tlhokegang jwa tsenelelo ya mmu e le gore llaga e tle e thubelwe kwa godimo go tswa kwa tlase ga pane e e thata.



Mosima wa porofaele o ka dirisiwa go tsaya dikaommu le go tlhatlhobelaboteng jwa medi jo bo feletseng gotlhelele, mohuta wa mmu le llaga e e kwa tenteng e e sa sutlhelegeng nngwe le nngwe e e nnang teng. Mesima ya porofaele e le mmalwa mo tshimong yotlhe e e amegang e ka tlhatlhobiwa gore jalo patlisiso e e tseneletseng e wediwe.

Fa medi ya sejalo se se sa ntseng se gola e le teng, go ka dirisiwa sekgatshi sa letsogo se se nang le kgatelelo ya metsi e e lekaneng go farolola medi ka go tlhatswa mmu o o e dikanyeditseng. Ka mokgwa o kanamiso ya medi le kutlwalo ya llaga e e katisegetseng di ka bonwa sentle thata. Fa go dirisiwa repara ka nako ya jalo motho o ka lemoga tlhogo ya medi go feta ka llaga le kanamo ya medi go ya pele kwa tlase ga llaga e e katisegetseng.

Porofaele ya mmu gape e ka dirisediwa go baya leitlho nonofo ya mekgwa ya tshugo efe kana efe e e dirisitsweng go lwantsha katisegelo ya mmu e e bonweng mo malobeng. Nonofo ya thulaganyo ya tsamaiso kgotsa nonofo ya tiragatso ya sediriso se se rileng le yona e ka bewa leitlho.

Loretshipi lwa “T”

Fa go berekwa masimo go nna teng ga pane e e thata kgotsa nonofo ya sediriso sa go thuba pane e e thata, go ka bewa leitlho ka go pega mo beneng ya gago ka gale loretshipi lo lo lekanyang lo lo itiretsweng : Lore lo ka dirwa ka tshipi e e potokwe ya bokima jwa 8 mm ka mokgothi wa bara ya “T” o o momeletsweng kwa godimo, ka eno e e looditsweng gosenene, le go tshwaiwa ka keraentara, disenthimitara tse 10 dingwe le dingwe. Lore jaanong lo ka tlhabelelwa mo mmung ka maatla a a magareng, gape a bogolo jwa tshimo, kakanyo ya katisegelo e tlhagelela ka bonako thata. Fa diteko di dirwa mo .5 ya mitara nngwe le nngwe, go ka tlhomamisiwa gore a bothata jwa katisegelo ya mmu bo akareditse kgotsa bo mo metšhetšhedimaneng e e rileng mo tshimong. Nonofo ya sediriso se se dirisiwang e ka bewa leitlho ka yona tsela e.

 



